Diphororo tsa Victoria
Diphororo tsa Victoria (Lozi: Mosi-oa-Tunya, "Thundering Smoke/Smoke that Rises"; Tonga: Shungu Namutitima, "Boiling Water") ke phororo e e mo nokeng ya Zambezi, e e leng mo molelwaneng magareng ga Zambia le Zimbabwe. [1]Ke nngwe ya diphororo tse ditona go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, e e bophara jwa dimetara di le 1.708. Kgaolo e e e dikologileng e na le dimela le diphologolo tse dintsi tse di farologaneng.
Thutamarope le hisitori e e sa kwalwang e tlhalosa rekoto e telele ya kitso ya Seafrika ka lefelo leno. Le fa gone baitse bangwe ba thutafatshe ba kwa Yuropa ba ne ba itse diphororo tseno pele ga lekgolo la bo lesome le borobabongwe la dingwaga, morongwa wa kwa Scotland e bong David Livingstone o ne a di itse ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a matlhano le botlhano , a di bitsa Diphororo tsa Victoria go tlotla Kgosigadi Victoria. Fa e sa le go tloga mo bogareng jwa lekgolo la bo masome mabedi la dingwaga, lefelo leno e ntse e le lefelo le legolo la bojanala. Zambia le Zimbabwe ka bobedi di na le diphaka tsa bosetšhaba le mafaratlhatlha a bojanala mo lefelong leno. Dipatlisiso tse di dirilweng kwa bofelong jwa bo ngwga wa dikete tse pedi le lesome di fitlhetse gore go fetofetoga ga dipula ka ntlha ya go fetoga ga tlelaemete go ka nna ga fetola tsela e diphororo di ntseng ka yone.
Tshimologo ya leina
[fetola | Fetola Motswedi]David Livingstone e ne e le motho wa ntlha wa kwa Yuropa go begwa a bone diphororo ka kgwedi ya Ngwanatsele ele lesome le borataro,ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a matlhano le botlhano , go tswa kwa setlhaketlhakeng se jaanong se itsegeng jaaka Livingstone Island, nngwe ya mafelo a mabedi a naga mo gare ga noka, ka bonako go tswa kwa diphororong gaufi le lotshitshi lwa Zambia.[2] Livingstone o ne a bitsa lefelo le a le boneng ka leina la Kgosigadi Victoria, mme leina la puo ya Se-Lozi, Mosi-oa-Tunya ⁇ "The Smoke That Thunders" ⁇ le santse le dirisiwa thata. Lenane la Ngwao-Boswa jwa Lefatshe le amogela maina a mabedi a semmuso.[3] Livingstone gape o ne a tsopola leina la bogologolo, Seongo kgotsa Chongwe, le le rayang "Lefelo la Motsu wa Pula", ka ntlha ya go kgatshiwa ga metsi ka metlha.[4]
Serapa sa bosetšhaba se se gaufi kwa Zambia se bidiwa Mosi-oa-Tunya, fa serapa sa bosetšhaba le toropo e e mo lotshitshing lwa Zimbabwe di bidiwa Victoria Falls.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Soar Above One of the Most Awe-Inspiring Waterfalls on Earth". National Geographic. 19 March 2019. Retrieved 9 June 2020.
- ↑ "Livingstone Tourism Association, Victoria Falls, Zambia". livingstonetourism.com. Livingstone, Zambia. Retrieved 7 August 2018.
- ↑ "World Waterfalls & Water Filters for Filtration of Clean Water". Archived from the original on 14 July 2007. Retrieved 11 March 2007.
- ↑ Wellington, John H. (1955). Southern Africa: A Geographical Study. Vol. 1. Cambridge: University Press. p. 392.
- ↑ "Medium Term Plan (MTP): January 2010 – December 2015" (PDF). Government of Zimbabwe. Archived from the original (PDF) on 29 October 2013. Retrieved 15 May 2013